Lefatshe la Liberia le simologile ka century ya bo lesome le boferabongwe e le tiro ya American Colonization Society (ACS), e e neng e dumela gore batho-bantsho ba tla nna mo maemong a go phuthuloga le go atlega fa ba le mo Aforika go na le ba le kwa United States.[6] Fa gare ga ngwaga ya 1822 le ntwa ya kwa America ka ngwaga wa 1861, batho ba le dikete di le lesome le botlhano ba lotso lwa African American le ba le makgolo a mararo, lekgolo le masome a ferabongwe le boferabobedi ba kwa Carribean ba bantsho ba ne ba fudugela kwa Liberia.[7] Batho ba ba neng ba fuduga ba ne ba tla ka ditso tsa bone mme ba etelela pele ba ba bafitlhelang mo gae.[8] Lefatshe la Liberia le ne la tsaya boipuso ka ngwaga wa 1847, Phukwi a le masome a mabedi le borataro, mme ba United States ba ne ba sa lemoge boipuso jo go fitlhela ka 1862, kgwedi ya Tlhakole e le malatsi a le matlhano.
Lefatshe la Liberia ke lone la ntlha mo Aforika go bolela boipuso jwa lone, mme ebile ke lone lefatshe le legologolo lantlha mo Aforika. Lone le la Ethiopia, ke one mafatshe a ntlha a Aforika go tswelela ka boipuso ka nako e mafatshe a Yuropa a neng a etelela pele mafatshe a Aforika. Ka ntwa ya lefatshe ya bobedi, lefatshe la Liberia le ne la ema nokeng lefatshe la United States kgatlhanong le la Germany ka jalo le ne la amogela dithuso tsa madi go tswa kwa Amerika, golo mo go ne ga thusa khumo le tlhabololo ya lefatshe le.[9] Tautona William Tubman o ne a rotloetsa phetogo ya itsholelo le polotiki mo go neng ga oketsa tswelelopele ya lefatshe; lefatshe la Liberia ke lengwe la a a simolotseng makgotla a League of Nations, United Nations le la Organisation of African Unity.
Batho ba ditso tsa Americo-Liberia ba ne ba sa utlwane sentle le beng gae.
Ka ngwaga wa 1980, go ne ga nna le kgotlhang ya sepolotiki fa William R. Tolbert a ne a busa, mme se se ne sa baka gore puso e thankgolwe ke ba sesole, se se fedisa botsalano jwa America le Liberia, mme Samuel Doe yo o neng e le moeteledi wa ntlha wa mo gae o ne a etelela pele lefatshe. Doe o o neng a busa ka go gobelela o ne a bolawa ka ngwaga wa 1990 ka ntwa ya ntlha ya mo Liberia e e simolotseng ka ngwaga wa 1989 go tsena ka 1997 fa go tlhophiwa moeteledipele wa batsuolodi ebong Charles Taylor go nna tautona. Ka ngwaga wa 1998, ntwa ya bobedi ya mo gae e ne ya simolola mme Taylor a thankgolwa fa ntwa e fela ka ngwaga wa 2003. Dintwa tse pedi tse di ne tsa gapa matshelo a batho ba le dikete di le makgolo a mabedi, le masome a matlhano, mme ba bangwe ba tshaba mo lefatsheng, fa itsholelo e ne ya a tlase ka 90%. [10]
↑"Liberia". The Central Intelligence Agency side for Liberia. Central Intelligence Agency. 2021. Archived from the original on March 19, 2021. Retrieved June 8, 2021.